Luke 7

Tumelo ya molaodi wa masole

1Erile Jesu a sena go fetsa thero ya gagwe a boela mo motsing wa Kaperenama.

2Fela ka yone nako eo motlhanka yo mogolo wa moeteledi pele wa mophato wa Seroma o ne a lwala a bile a le gaufi le go swa. 3E rile fa moeteledipele wa mophato a utlwa kaga Jesu, a romela bangwe ba Sejuta ba ba tlotlegang go ya go mo kopa gore a tle go fodisa motlhanka wa gagwe. 4Hong ba simolola go kopa Jesu ka tlhoafalo go ya le bone go thusa monna yoo. Ba mmolelela ka fa moeteledipele wa masole o neng a le senatla ka gone. “Fa mongwe a tshwanelwa ke go thusiwa, ke ene, 5gonne o rata Bajuta o bile o re agetse ntlo ya thuto!”

6
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 7:7.
7
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 7:6-7.
Jesu a tsamaya le bone; mme ya re pele ga ba goroga kwa tlung, moeteledipele wa masole a romela ditsala dingwe go ya gore, “Morena o se ka wa itapisa ka go tla kwa lwapeng la me, gonne ga ke a tshwanelwa ke tlotlo e e kalo kgotsa le fa e le go ka kopana nao, bua lefoko fela fa o leng teng mme motlhanka wa me o tlaa fola.
8Ke a itse, ka gore ke ka fa tlase ga taolo ya maotlana a magolo, mme ke na le taolo mo bathong ba me. Ke na le tshwanelo ya gore ‘Tsamayang!’ mme ba tsamaye; kgotsa ‘Tlang!’ mme ba tle; mme ke reye motlhanka wa me ke re, dira se kgotsa sele; mme a se dire. [Jalo, bua fela jaana o re, ‘Fola’ mme motlhanka wa me o tlaa fola!].”

9Jesu a hakgamala. A retologela kwa bathong ba ba kgobokaneng a re, “Ga ke ise nke ke kopane le motho wa tumelo e e ntseng jaana mo Bajuteng botlhe ba ba mo Iseraele.”

10Mme ya re ditsala tsa moeteledipele wa masole di boela kwa tlung ya gagwe, tsa fitlhela motlhanka a fodile gotlhelele!

Jesu o tsosa ngwana wa lekawana wa motlholagadi

11Morago ga lobakanyana Jesu a tsamaya le barutwa ba gagwe ba ya kwa motsaneng wa Naine le batho ba bantsi ba mo kgobokanetse jaaka gale. 12Popelelo ya phitlho ya tswela kwa ntle fa Jesu a atamela kgoro ya motsana. Mosimane yo o neng a sule e ne e le ene fela ngwana wa mosimane wa mosadi wa motlholagadi, mme bahutsahadi ba le bantsi ba tswa nae mo motsaneng oo.

13E rile fa Morena a mmona, pelo ya gagwe ya tlala kutlwelobotlhoko. Mme a mo raya a re, “Se lele!” 14Hong a tsamaela kwa kesing ya moswi! Mme a e ama, mme batshodi ba yone ba ema. A mo raya a re, “Morwaaka, tsoga mo losong!”

15Hong mosimane a nna sentle mme a simolola go bua le ba ba neng ba mo dikaganyeditse! Mme Jesu a mmusetsa kwa go mmaagwe.

16Letshogo le legolo la tsena batho, mme ba goa ba baka Modimo. Ba re, “Moporofiti yo mogolo o tsogile mo gare ga rona mme re bonye letsogo la Modimo le dira gompieno!”

17Polelo ya se a se dirileng ka letsatsi leo ya anamela ka bonako go tswa ntlheng e nngwe go ya go e nngwe ya Judea le go kgabaganya melelwane tota.

Jesu o laela barutwa ba ga Johane

18Mme barutwa ba ga Johane wa Mokolobetsi ba tloga ba utlwa gotlhe mo Jesu o neng a go dira. Ya re ba bolelela Johane kaga gone, 19a romela bangwe ba barutwa ba gagwe ba le babedi kwa go Jesu go ya go mmotsa ba re, “A o Mesia tota? Kgotsa re nne re mo lebeletse?”

20
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 7:22.
21
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 7:22.
22
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 7:20-22.
Barutwa ba babedi ba fitlhela Jesu a sa ntse a alafa balwetse ba malwetse a a farologanyeng, a fodisa digole le difofu ebile a kgoromeletsa ntle mewa e e maswe. Erile ba mmotsa potso ya ga Johane, a fetola a re, “Boelang kwa go Johane mme lo mmolelele gotlhe mo lo go boneng le mo lo go utlwileng gompieno: gore ba ba neng ba foufetse ba a bona! Batlhotsi ga ba tlhole ba tlhotsa! Balepero ba setse ba fodisitswe! Bosusu ba a utlwa! Baswi ba a rula! Mme bahumanegi ba utlwa Mafoko a a Molemo.
23Mme lo mmolelele gore, ‘Go sego yo o sa latlhegelwang ke tumelo mo go nna.’ ”

24Erile ba sena go tsamaya Jesu a bua le batho kaga Johane. A re, “Motho yo ke mang yo lo neng lo ile go mmona mo sekakeng sa Judea? A lo ne lwa mmona a le motlhofo jaaka bojang jo bo sutisiwang ke mosumo mongwe le mongwe wa phefo! 25A lo kile lwa mmona a apere diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo? Nnyaa! Batho ba ba nnang mo monateng ba bonwa mo matlung a segosi, e seng kwa ntle mo sekakeng. 26Mme a lo kile lwa bona moporofiti? Ee! Le go feta moporofiti? 27Ke ene yo dikwalo di neng di mo raya fa di re, ‘Bona! Ke romela morongwa wa me kwa pele ga gago, go go baakanyetsa ditsela!’ 28Mo bathong botlhe ga go na ope yo mogolo go feta Johane. Mme le fa go ntse jalo yo mmotlana mo Bogosing jwa Modimo o mogolo go mo feta.”

29Mme botlhe ba ba utlwileng Johane a rera, le e leng bone ba ba neng ba le bosula thata, ba dumela gore se se batlwang ke Modimo se siame, mme ba kolobediwa ke ene.

30Botlhe ba kolobediwa kwa ntle ga Bafarasai le baruti ba molao wa ga Moshe. Ba ne ba gana leano la Modimo mo go bone mme ba gana kolobetso ya ga Johane. 31Mme Jesu a ba botsa a re, “Ke ka reng ka batho ba ba ntseng jalo? Ke ka ba tshwantsha le eng? 32Ba tshwana le setlhopha sa bana ba ba ngongoregang mo ditsaleng tsa bone, ba re, ‘Ga lo rate fa re tshameka “Lonyalo” e bile ga lo rate fa re tshameka phitlho!’ 33Gonne Johane wa Mokolobetsi o ne a tlwaetse go tsamaya a sa tsaya dijo e bile a se ke a tsaya seno mo botshelong jwa gagwe jotlhe, mme lwa re, ‘O tshwanetse a ba a tsenwa!’ 34Mme ke ja dijo tsa me e bile ke nwa mofine wa me mme lwa re, ‘Kana Jesu o rata dijo jang! E bile o a nwa! E bile o na le ditsala tsa mofuta o o kwa tlase!’ 35Mme nna ke tlhomamisa gore lo ka kgona go itshegetsa mo tshiamololong ya lona.”

Mosadi wa seaka o tlotsa Jesu lookwane

36Hong mongwe wa Bafarasai a kopa Jesu gotla kwa lwapeng lwa gagwe go ya go ja, mme Jesu a amogela taletso eo. Ya re ba nna fa fatshe ba a ja, 37mosadi wa mebila, wa seaka, a utlwalela fa Jesu a le foo mme a lere lebotlolo le tletse setlolo se se tlhwatlhwa kgolo.

38Ya re a tsena mo teng a obama fa dinaung tsa gagwe ka mangole, a lela go fitlhela dinao tsa ga Jesu di kolobediwa ke dikeledi tsa gagwe; mme a di phimola ka moriri wa gagwe a di atla a ba a tshela setlolo mo go tsone.

39E rile Mofarasai mongwe yo Jesu o neng a mmiditse, a bona se se diregang le gore mosadi e ne e le mang, a ithaya a re, “Se supa gore Jesu ga se moporofiti, gonne fa tota a ne a romilwe ke Modimo, o ka bo a itsile gore mosadi yo ke wa mofuta ofe!”

40Hong Jesu a buela kwa godimo a araba dikakanyo tsa ga Simone wa Mofarasai a re, “Ke na le sengwe se ke batlang go se bua le wena.” Simone a fetola are, “Gosiame moruti, tswelela.”

41Hong Jesu a mmolelela polelo e: “Monna o kile a adima batho ba babedi madi, a adima yo mongwe dikete di le tlhano tsa dipula mme a adima yo mongwe makgolo a matlhano a dipula. 42Mme ga go ise go ke go nne le ope wa bone yo o neng a mo duela, jalo ka bopelo-tlhomogi a ba itshwarela botlhe, a ba lesa gore ba seka ba duela. Ke ofe yo o gopolang gore o ne a mo rata thata morago ga moo?”

43Simone a araba a re, “Ke gopola gore ke yo o neng a mo kolota thata.” Jesu a dumela a re go ntse jalo.

44Hong a retologela kwa mosading a raya Simone a re, “A o bona mosadi yo o khubameng fa yo! Erile ke tsena mo lwapeng lwa gago ga o a ka wa tshwenyega ka go nnaya metse go tlhapa lorole mo dinaong tsa me, mme ene o di tlhapisitse ka dikeledi tsa gagwe a ba a di phimola ka moriri wa gagwe! 45Lo nkganeletse katlo ya tlwaelesego ya tumediso, mme ene o atlile dinao tsa me gangwe le gape go simologa ka nako e ke neng ke goroga ka yone. 46Lo ne lwa tlhokomologa bopelonomi jwa gale jwa lookwane lwa motlhware go tlotsa tlhogo ya me, mme ene o bipile dinao tsa me ka setlolo se se sa tlwaelesegang. 47Ka moo dibe tsa gagwe tse dintsi di itshwaretswe, gonne o nthatile thata; mme yo o itshwaretsweng go le gonnye go supa lorato lo lo nnye.” 48Mme a mo raya a re, “Dibe tsa gago di itshwaretswe.”

49Mme banna ba ba neng ba ntse fa lomating lwa bojelo ba raana ba re, “Monna yo o akanya gore ke mang, yo o tsamayang a itshwarela dibe?” 50Mme Jesu a raya mosadi a re, “Tumelo ya gago e go bolokile; tsamaya ka kagiso.”
Copyright information for TsnLEF